bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Genesis 42
Genesis 42
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 41
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 43 →
1
Jakobe a bona fa go na le mabele kwa Egepeto; mme a raya bomorwawe a re: “Lo lebanelang?”
2
A re: “Bonang, ke utlwile fa go na le mabele kwa Egepeto; fologelang gone, lo re rekele mabele gone, gore re tle re tshele, re se ka ra a swa.”
3
Bomogoloa Josefe ba ba some ba bolola ba ya go reka mabele kwa Egepeto.
4
Mme Benjamine, monnaa Josefe, Jakobe ga a ka a mo roma le bomogolowe gonne a re, e se re kgotsa tatlhego ya mo wela.
5
Bomorwa Iseraele ba ya go reka ba tlhakana le ba ba yang gone, gonne leuba le ne le le mo lefatsheng la Kanana.
6
Josefe e ne e le molaodi wa lefatshe; ya bo e le ene yo o rekisang mo bathong botlhe ba lefatshe. Bomogoloa Josefe ba tla ba mo ikobela fa fatshe ka difatlhogo tsa bone.
7
Mme Josefe a bona bomogolowe, mme a ba itse, mme a ipaya moeng mo go bone, a bua nabo ka thata. A ba raya a re: “Lo tswa kae?” Ba re: “Re tswa kwa lefatsheng la Kanana, re tsile go reka dijo.”
8
Josefe a bo a itse bomogolowe; mme bone ba se ka ba mo itse.
9
Josefe a gakologelwa ditoro tse o kileng a di lora ka ga bone, mme a ba raya a re: “Lo ditlhola fela; lo tsile gore lo bone bosaikategang jwa lefatshe.”
10
Ba mo raya ba re: “Nnyaa, morena wa me, batlhanka ba gago ba tsile go reka dijo.
11
Rotlhe re bomorwa monna a le mongwe fela; re banna ba mmaanete, batlhanka ba gago ga se ditlhola.”
12
A ba raya a re: “Nnyaa, lo tsile gore lo bone bosaikategang jwa lefatshe fela.”
13
Ba re: “Rona batlhanka ba gago re bana ba le 12, re bomorwa monna a le mongwe fela kwa lefatsheng la Kanana; mme bona, yo mmotlana gompieno o na le rraarona, yo mongwe ga a yo.”
14
Josefe a ba raya a re: “Aitse ke sone se ke se buileng le lona ka re lo ditlhola.
15
Lo tlaa lekwa ka mo; ka botshelo jwa ga Faro ga lo ketla lo tswa mono fa monnaa lona yo mmotlana a sa tle kwano pele.
16
Romang mongwe wa lona a ye go tlisa monnaa lona, lona lo tlaa golegwa, gore mafoko a lona a lekwe boo go na le boammaaruri mo go lona; fa go sa nna jalo, ke ikana ka botshelo jwa ga Faro lo tla bo lo le ditlhola ruri.”
17
A ba tsenya botlhe mmogo mo tisong ka malatsi a le moraro.
18
Ka letsatsi le boraro Josefe a ba raya a re: “Dirang se, lo tshele; gonne nna ke boifa Modimo.
19
A e re fa lo le banna ba mmaanete, a mongwe wa bomorwa rraa lona a golegelwe mo ntlong ya lona ya kgolegelo; lona lo tsamaye lo isetse tlala ya matlo a lona mabele.
20
Lo lere monnaa lona yo mmotlana kwano go nna; jalo mafoko a lona a tlaa bo a le mabolelela ruri, ga lo ketla loo swa.” Ba dira jalo.
21
Ba raana ba re: “Ruri re molato ka ga monnaa rona, jaaka e rile re bona tlalelo ya mowa wa gagwe jale, ka a re rapela, ra gana go utlwa; ke gone ka fa tlalelo e e tsileng mo go rona ka gone.”
22
Rubene a ba fetola a re: “A ga ke a ka ka lo raya jale ka re: ‘Se leofeleng ngwana,’ mme lwa gana go utlwa? Ke gone, bonang, madi a gagwe a a lopiwa.”
23
Ba bo ba sa itse fa Josefe a ba utlwa, gonne go ne go na le mofetoledi wa puo gare ga bone.
24
Mme a ba fularela, a lela; a boela kwa go bone, a bua nabo, mme a tshwara Simeone a mo tsaya mo go bone, a mo golega fa pele ga matlho a bone.
25
Foo Josefe a laola gore dilwana tsa bone di thelwe mabele di tlale, le gore madi a mongwe le mongwe a rebolelwe mo kgetseng ya gagwe, le gore ba fiwe mofago; ba ba direla jalo.
26
Ba belesa mabele mo dieseleng, ba tswa gone ba tsamaya.
27
E rile mongwe wa bone a bofolola kgetse ya gagwe go fa esela ya gagwe dijo ba le felong fa ba lalang gone, a kwaa madi a gagwe; mme bonang, a bo a le mo molomong wa kgetse ya gagwe.
28
A raya bomorwa rraagwe a re: “Madi a me a rebotswe, mme bonang, a mo kgetsing ya me”; mme pelo tsa bone tsa sula, ba lebana, ba roroma ba re: “Selo se ke eng, se Modimo o se re diretseng?”
29
Mme ba fitlha kwa go Jakobe rraabo mo lefatsheng la Kanana, ba mmolelela tsotlhe tse di ba diraletseng; ba re:
30
“Monna yole, morena wa lefatshe lele, a bua le rona ka thata, a ba a re, re ditlhola tsa lefatshe.
31
Ra mo raya ra re: ‘Re banna ba mmaanete; ga re ditlhola;
32
re bana ba le 12 ba monna, re bomorwa rraa rona; mongwe ga a yo, yo mmotlana gompieno o na le rraa rona kwa lefatsheng la Kanana.’
33
Monna yole morena wa lefatshe leo, a re raya a re: ‘Ke tlaa itse ka moo lo le banna ba mmaanete; tlogelang mongwe wa bomorwa rraeno le nna, lo isetse tlala ya matlo a lona mabele, mme lo tsamaye.
34
Lo lere monnaa lona yo mmotlana kwano go nna, foo ke tlaa itse fa lo se ditlhola, lo le banna ba mmaanete; jalo ke tlaa lo neela morwa rraa lona, lo tlaa nna lo bapala mo lefatsheng.’ ”
35
Ga dirala ya re ba ntsha mabele mo dikgetseng tsa bone, bonang, phuthela ya madi a mongwe le mongwe ya bo e le mo kgetseng ya gagwe. Ba re ba bona, le rraabo a bona diphuthela tsa madi, ba tshoga.
36
Jakobe rraabo, a ba raya a re: “Nna lo nthopile bana; Josefe ga a yo, le Simeone ga a yo, lo bile lo rata go tlosa Benjamine; dilo tse tsotlhe di nkwela maswe.”
37
Rubene a raya rraagwe a re: “E tlaa re fa ke sa mo tlise kwano go wena, o tle o bolaye bomorwaake ba babedi; mo tsenye mo tisong ya me fela, ke tlaa ba ke mo tlisa mo go wena gape.”
38
Mme a re: “Morwaake ga a ketla a fologa le lona; gonne mogolowe o sule, ke ene esi yo o setseng. E tlaa re fa tatlhego e mo wela mo tseleng e lo e tsamayang foo moriri wa me o o thuntseng lo tlaa o folosetsa ka bohutsana mo phupung.”
← Chapter 41
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 43 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50