bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Genesis 34
Genesis 34
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 33
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 35 →
1
Dina, morwadia Lea, yo o mmonyeng le Jakobe, a tswa a ya go bona bomorwadia lefatshe.
2
Shekeme morwa Hamore wa Mohife, kgosana ya lefatshe leo, a mmona; mme a mo tsaya a lala nae, a mo senya.
3
Pelo ya gagwe ya ngaparela Dina morwadia Jakobe, a rata morweetsana yo; mafoko a gagwe a tsena mo pelong ya morweetsana.
4
Shekeme a bua le Hamore rraagwe a re: “Mpatlela morweetsana yo, a nne mosadi wa me.”
5
Jaana Jakobe a utlwa fa a leswefaditse Dina morwadie; bomorwawe ba bo ba na le dikgomo tsa gagwe kwa nageng; Jakobe a itidimalela fela ba tsamaya ba tla.
6
Hamore rra Shekeme, a tswela kwa go Jakobe a ya go bua nae.
7
E rile bomorwa Jakobe ba utlwa ba tloga ba tla gae ba tswa kwa nageng; banna bao ba hutsafala, ba nna bogale thata ka a dirile boatla mo go Iseraele ka go lala le morwadia Jakobe; e le selo se se sa tshwanelang go dirwa.
8
Hamore a bua nabo a re: “Pelo ya ga morwaake Shekeme e tlhoafaletse morwadia lona; ke a lo rapela, lo mo mo neye gore a nne mosadi wa gagwe,
9
mme lo nyalane le rona; re neeleng bomorwadia lona, le lona lo tseye bomorwadia rona.
10
Lo tlaa aga le rona; lefatshe le tlaa nna fa pele ga lona, agang lo bo lo bapale mo go lone lo bone dithuo mo go lone.”
11
Shekeme a raya rra morweetsana le bokgaitsadie a re: “A nke ke bone tsalano mo matlhong a lona, se lo tlaa se mpalelang ke tlaa se ntsha.
12
Le fa lo ntopa bogadi le ketleetso le fa go le kae, ke tlaa ntsha ka fa lo tlaa ntopang ka gone; se se gone fela ke gore nnayang morweetsana a nne mosadi wa me.”
13
Bomorwa Jakobe ba fetola Shekeme le rraagwe Hamore ka boferefere, ba bua ka a ne a leswefaditse Dina kgaitsadia bone.
14
Ba ba raya ba re: “Ga re ka ke ra dira selo se, go neela motho yo o sa rupang kgaitsadia rona; gonne selo seo e tlaa bo e le kgobo mo go rona.
15
Re tla dumalana le lona ka selo se, se le sosi fela; fa lo ka nna jaaka rona, fa banna botlhe ba lona ba ka rupisiwa.
16
Foo re tlaa lo neela bomorwadia rona, re ba re tsaya bomorwadia lona, re aga le lona, mme re tlaa tswa batho ba le bangwe fela.
17
E tlaa re fa lo gana go re utlwa, go rupa, foo re tlaa tsaya morwadia rona, mme re tsamaye.”
18
Mafoko a bone a kgatlha Hamore le Shekeme morwa Hamore.
19
Lekau ga le a ka la diega go dira selo se, gonne le ne le kgatlhilwe ke morwadia Jakobe; le ne le tlotlwa bogolo go botlhe ba ntlo ya ga rraagwe.
20
Hamore le Shekeme morwawe ba tla mo kgorong ya motse wa bone, ba bua le banna ba motse wa bone ba re:
21
“Banna ba ba kagiso le rona; ke gone a ba age mo lefatsheng le, ba bapale mo go lone; gonne, bonang lefatshe le ba lekanye. A re ba tseeleng bomorwadia bone go nna basadi ba rona le rona, re ba neeleng bomorwadia rona.
22
Banna bao ba ka dumalana le rona go aga le rona le go tswa batho ba le bangwe fela ka selo se, se le sosi fela, fa banna botlhe ba ba mo go rona ba ka rupa jaaka bone ba rupile.
23
Dikgomo tsa bone le thoto ya bone le dilo tsotlhe tsa bone, a ga di ketla di nna tsa rona? A re dumalaneng le bone fela, mme ba tlaa aga le rona.”
24
Botlhe ba ba tswang ka kgoro ya motse wa gagwe ba utlwa Hamore, le Shekeme morwawe; mme banna botlhe ba rupisiwa, e bong botlhe ba ba tswang ka kgoro ya motse wa gagwe.
25
Ga dirala ya re ka letsatsi la boraro ka ba le botlhokong, bomorwa Jakobe ba le babedi, e bong Simeone le Lefi, bokgaitsadia Dina mongwe le mongwe a tsaya tšhaka ya gagwe, ba wela motse ka pelokgale, ba bolaya banna botlhe fela.
26
Ba bolaya Hamore le Shekeme morwawe ka bogale jwa tšhaka, ba ntsha Dina mo ntlong ya ga Shekeme ba tswa ba tsamaya.
27
Bomorwa Jakobe ba tla mo go ba ba bolailweng, ba thopa motse, ka gobo ba ne ba leswefaditse kgaitsadia bone.
28
Ba gapa matsomane a bone, le matlhape a bone, le diesela tsa bone, le se se mo motseng, le se se kwa nageng.
29
Le lohumo lotlhe lwa bone, le banyana botlhe ba bone, le basadi ba bone, ba ba tshwara ba ba thopa, e bong tsotlhe tse di mo matlong.
30
Jakobe a raya Simeone le Lefi a re: “Lo ntshwentse, lo nnkgisitse sebodu mo banning ba lefatshe le mo go Bakanana, le mo go Baperise. Nna ka ke le mmotlana mo palong, ba tlaa nkokoanela ba mpolaya; ke tlaa nyelediwa, nna le ba ntlo ya me.”
31
Ba re: “A o ne a ka direla kgaitsadia rona jaaka seaka?”
← Chapter 33
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 35 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50