bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Genesis 6
Genesis 6
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 5
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 7 →
1
Ga dirala, e rile batho ba simolola go ntsifala mo lefatsheng, ba tshola bana ba basetsana.
2
Bomorwa Modimo ba bona bomorwadia batho fa ba le bantle, jalo ba tsaya basadi mo go bone, botlhe ba ba ba ratang.
3
Jehofa a re: “Mowa wa me ga o ketla o nna o ganela le motho ka bosenabokhutlo, ka gobo le ene e bile ke nama. Le fa go ntse jalo malatsi a gagwe a tlaa nna dinyaga di le 120.”
4
Ga bo go le mekaloba mo lefatsheng mo malatsing ao. Le gone morago ga moo, fa bomorwa Modimo ba tsena mo go bomorwadia batho, ba tsala bana nabo, bao, e ne e le banna ba ba diganka tsa metlha ya bogologolo; banna ba ba itsegeng.
5
Mme Jehofa a bona fa boikepo jwa motho bo le bogolo mo lefatsheng, le go akanya ga megopolo ya pelo ya gagwe gotlhe, go le bosula ka metlha yotlhe.
6
Jehofa a ikwatlhaya ka a dirile motho mo lefatsheng, mme ga mo tlhokofatsa pelo.
7
Jehofa a re: “Ke tlaa senya motho yo ke mo dirileng ke mo tlosa mo lefatsheng, ene motho le phologolo le sebatana le se se gagabang le nonyane ya loapi; gonne ke a ikwatlhaya ka gobo ke di dirile.”
8
Mme Noa ene a bona bopelotlhomogi mo matlhong a ga Jehofa.
9
Tse, ke tsone ditshika tsa ga Noa. Noa e ne e le monna yo o siameng, a itekanetse mo ditshikeng tsa gagwe; Noa a sepela le Modimo.
10
Noa a tshola basimane ba le bararo: Sheme, Hame le Jafethe.
11
Lefatshe le ne le senyegile fa pele ga Modimo, le ne le tletse thubakano.
12
Modimo wa bona lefatshe, mme bona, le ne le senyegile; gonne batho botlhe ba sentse mekgwa ya bone mo lefatsheng.
13
Modimo wa raya Noa wa re: “Bokhutlo jwa batho botlhe bo fitlhile fa pele ga me; ka lefatshe le tletse thubakano ka ntlha ya bone. Bona, ke tlaa ba senya mmogo le lefatshe.
14
Itirele ntlo e e kokobalang ka dikgong tsa morukudu; dira matlwana mo ntlong, o e kane ka boka ka fa teng le ka fa ntle.
15
Sekao ke se, sa ka fa o tlaa e dirang ka gone: boleele jwa ntlo bo nne kana ka boleele jwa mabogo a le 300, le boatlhamo jwa yone bo nne mabogo a le 50, le bogodimo jwa yone bo nne mabogo a le 30.
16
O direle ntlo e e kokobalang marulelo, o sadise phatlha ya selekanyo sa lebogo fa gare ga lebota le marulelo. Mojako wa ntlo o o ntshe ka fa lotlhakoreng lwa yone. O e dire dikgaogano di le tharo tse di tlhatlaganyeng: e e fa tlase, le e e fa gare, le e e fa godimo.
17
Bona, ke tlaa tlisa morwalela wa metsi mo lefatsheng go senya nama yotlhe e mowa wa botshelo o leng mo go yone, go e tlosa fa tlase ga legodimo; dilo tsotlhe tse di mo lefatsheng di tlaa swa.
18
Ke tlaa tlhomamisa kgolagano ya me nao; o tlaa tsena mo ntlong e e kokobalang, wena, le bomorwao, le mosadi wa gago, le basadi ba bomorwao ba na nao.
19
Mo go tsotlhe tse di tshelang; tsa nama yotlhe, o tseye di le pedi tsa ditshika tsotlhe, o di ise mo ntlong eo go di tshedisa nao; di nne e tona le e namagadi.
20
Ga dinonyane ka fa ditshikeng tsa tsone, le ga diruiwa ka fa ditshikeng tsa tsone, ga sengwe le sengwe se se gagabang fa fatshe ka fa losikeng lwa sone, go tlaa tla kwa go wena di le pedi tsa losika longwe le longwe, go di tshedisa.
21
O itseele dijo tsotlhe tse di jewang, o di phuthele kwa go wena; mme e tlaa nna dijo tsa gago le tsa tsone.”
22
Noa a dira jalo; mo go tsotlhe tse Modimo o di mo laoletseng, a dira fela jalo.
← Chapter 5
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 7 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50