bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Genesis 48
Genesis 48
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 47
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 49 →
1
Ga dirala e rile morago ga dilo tse, mongwe a raya Josefe a re: “Bona, rraago o a lwala;” mme a tsaya bomorwawe ba babedi, e bong Manase, le Eferaime a ya nabo.
2
Mongwe a bolelela Jakobe a re: “Bona, Josefe morwao o tla kwano go wena.” Mme Iseraele a ikakatlolola a dula mo bolaong.
3
Jakobe a raya Josefe a re: “Modimo Mothatayotlhe o ne wa bonala kwa go nna ke le kwa Luse mo lefatsheng la Kanana, mme wa ntshegofatsa.
4
Wa nthaya wa re: ‘Bona, ke tlaa go atisa, ke go ntsifatsa, ke tlaa dira lesomo la ditšhaba ka wena, mme lefatshe le, ke tlaa le naya losika lwa gago sehularong sa gago go nna thuo ya bosakhutleng.’
5
“Jaana bomorwao ba babedi, ba o ba bonyeng mono mo lefatsheng la Egepeto ke ise ke tle kwano go wena mo Egepeto, ke ba me; Eferaime le Manase, fela jaaka Rubene le Simeone ba tlaa nna ba me.
6
Lotsalo lwa gago lo o tlaa lo bonang morago ga bone, e tlaa nna lwa gago; ba tlaa bidiwa ka fa leineng la bomorwa rraabo mo bosweng jwa bone.
7
Ka ga me, e rile ke tswa kwa Patana, Ragele a swela fa go nna mo lefatsheng la Kanana mo tseleng, go sa ntse go le sebaka go ya go fitlha kwa Eferatha; mme ka mo fitlha gone mo tseleng e e yang Eferatha, ke gore Bethelehema.”
8
Iseraele a leba bomorwa Josefe a re: “Ke bomang ba?”
9
Josefe a raya rraagwe a re: “Ke bomorwaake ba Modimo o ba nneileng mono.” Jakobe a ba a re: “Ke a go rapela, a ko o ba tlise fa go nna mme ke tlaa ba segofatsa.”
10
Matlho a ga Iseraele a bo a le looto ka botsofe, a sa bone. Josefe a ba atametsa fa go ene, mme a ba atla, a ba kamatlela.
11
Mme Iseraele a raya Josefe a re: “Ke ne ke sa solofela fa ke ka tlhola ke bona sefatlhogo sa gago; mme bona, Modimo o mpontshitse le lone losika lwa gago.”
12
Josefe a ba ntsha fa gare ga mangole a gagwe; a ikobela ka sefatlhogo fa fatshe.
13
Josefe a ba tsaya boo babedi, Eferaime ka seatla se se siameng sa gagwe, a mo lebaganya le seatla sa molema sa ga Iseraele, le Manase ka seatla sa molema sa gagwe, a mo lebaganya le seatla se se siameng sa ga Iseraele, mme a ba atametsa.
14
Iseraele a ntsha seatla sa gagwe se segolo a se baya mo tlhogong ya ga Eferaime, yo e leng yo mmotlana, le seatla sa molema sa gagwe a se baya mo tlhogong ya ga Manase, a fapaanya diatla tsa gagwe ka kitso, gonne Manase e ne e le wa ntlha.
15
A segofatsa Josefe a re: “Modimo o borraetsho Aberahame le Isake ba neng ba sepela fa pele ga one, Modimo o o nkotlileng mo botshelong jotlhe jwa me le mo nakong eno,
16
Moengele yo o nthekolotseng mo bosuleng jotlhe fela, a a segofatse basimane ba; mme a leina la me le rewe bone, le leina la borraetsho Aberahame le Isake. A ba ntsifale ba tle ba nne bantsi mo gare ga lefatshe.”
17
E rile Josefe a bona fa rraagwe a beile seatla sa gagwe se se siameng mo tlhogong ya ga Eferaime, ga mo itumolola; mme a tsholetsa seatla sa ga rraagwe go se tlosa mo tlhogong ya ga Eferaime, a re o se isa mo tlhogong ya ga Manase.
18
Josefe a raya rraagwe a re: “E seng jalo rra; gonne yo ke ene wa ntlha; baya seatla sa gago se se siameng mo tlhogong ya gagwe.”
19
Mme rraagwe a gana a re: “Ke a itse morwaaka, ke a itse; le ene o tlaa nna morafe, le ene o tlaa nna mogolo; le fa go ntse jalo monnawe o tlaa nna mogolo mo go ene, le losika lwa gagwe lo tlaa nna bontsi jwa merafe.”
20
Mme a ba segofatsa ka letsatsi leo a re: “Iseraele o tlaa boka ka wena, go twe: “ ‘A Modimo o go dire o nne jaaka Eferaime le jaaka Manase;’ ” mme a baya Eferaime kwa pele ga Manase.
21
Iseraele a raya Josefe a re: “Bona, ke a swa; Modimo o tlaa nna le lona, o ba o lo isa gape kwa lefatsheng la borraeno.
22
Gape, ke go abetse kabelo nngwe bogolo go bomorwa rraago, ke raya e ke e gapileng mo seatleng sa Baamore ka tšhaka ya me le ka bora jwa me.”
← Chapter 47
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 49 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50