bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Genesis 33
Genesis 33
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 32
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 34 →
1
Jakobe a tsholetsa matlho a gagwe a leba, mme bonang, Esau a bo a tla le banna ba le 400 nae. Mme bana a ba kgaoganyetsa Lea, le Ragele le malata a mabedi.
2
A baya malata a mabedi le bana ba one kwa pele pele, Lea le bana ba gagwe fa morago, Ragele le Josefe kwa moragorago.
3
Ene ka esi a fetela kwa pele ga bone, a inamela fa fatshe gasupa, a ba a tla a atamela fa go mogolowe.
4
Esau a siana a ya go mo kgatlhantsha, a mo kamatlela, a mo atla; mme ba lela.
5
A tsholetsa matlho a gagwe a bona basadi le banyana; mme a re: “Ba o nang nabo ke bomang?” A re: “Ke bana ba Modimo o ba neileng motlhanka wa gago ka bopelonamagadi jwa one.”
6
Foo malata a atamela, one le bana ba one, mme ba inama.
7
Lea le ene a atamela le bana ba gagwe, ba inama; morago ga tla Josefe le Ragele, ba inama.
8
Mme a re: “O a reng ka lesomo le le kanakana le ke kopanyeng nalo?” Jakobe a re: “Ke gore ke bone tsalano mo matlhong a morena wa me.”
9
Esau a re: “Ke na le tsetsho, di ntekanye; a se o nang naso e nne sa gago fela nnaka.”
10
Jakobe a re: “Nnyaa, ke a go rapela, a e re fa ke bonye tsalano mo matlhong a gago, foo o amogele mpho ya me mo seatleng sa me; ka e le fa ke bonye sefatlhogo sa gago, mme ka go natefela fela jaaka motho a bona sefatlhogo sa Modimo.
11
Ke a go rapela, a ko o amogele mpho ya me e e isitsweng kwa go wena; ka gobo Modimo o ntiretse ka pelonamagadi, ka ke bile ke na le mo go ntekanyeng.” A mo emelela, mme a e tsaya.
12
A re: “A re nanoge, re tsamaye mmogo, ke tlaa go etelela pele.”
13
A mo raya a re: “Morena wa me o a itse fa bana ba sa le diramatlana le go re matsomane le matlhape a ke nang nao a a amusa. Mme fa ba ka di kgweetsa ka potlako letsatsi le le lengwe fela, matsomane otlhe a ka swa.
14
Ke a go rapela, a morena wa me a fetele kwa pele ga motlhanka wa gagwe; nna ke tlaa goga ka papetletso ka fa mosepeleng wa matlhape a a kwa pele ga me, le ka fa mosepeleng wa banyana, ke tle ke tsamaye ke fitlhe koo go morena wa me kwa Seire.”
15
Esau a re: “Mma ke go tlogelele batho bangwe ba ke nang nabo.” Mme a re: “E tlaa bo e le ka ntlha yang? A nke ke bone tsalano mo matlhong a morena wa me.”
16
Jalo Esau a boa ka letsatsi leo a leba kwa Seire.
17
Jakobe a etela kwa Sukothe, a ikagela ntlo, a direla dikgomo tsa gagwe diobo; ke gone ka moo leina la felo foo le bidiwang Sukothe.
18
Jakobe a fitlha ka kagiso kwa motseng wa Shekeme, o o mo lefatsheng la Kanana, ka a tswa kwa Patanaarame; a thibelela fa pele ga motse.
19
Sebata sa lefatshe sa fa o tsharolotseng mogope wa gagwe gone, a se reka mo seatleng sa bana ba ga Hamore rra Shekeme, ka dipapetla tsa madi di le lekgolo.
20
A aga aletara gone, a e raya leina a re: Elelohe-Iseraele. (Ke go re: Modimo wa Iseraele.)
← Chapter 32
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 34 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50