bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Genesis 43
Genesis 43
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 42
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 44 →
1
Leuba le ne le le botlhoko mo lefatsheng.
2
Ga dirala ya re ba sena go ja ba swetsa mabele a ba tsileng nao kwa Egepeto, rraabo a ba raya a re: “Yang gape, lo re rekele dijonyana.”
3
Juta a bua nae a re: “Monna yole o ne a re tlhomamiseletsa ruri a re: ‘Ga lo ketla lo bona sefatlhogo sa me fa monnaa lona a sa tle le lona.’
4
Fa o ka lesa monnaa rona ra tsamaya nae, re tlaa fologa re go rekela dijo.
5
Fa o sa mo lese, ga re nka re fologa; gonne monna yole o re reile a re: ‘Ga lo nka lo bona sefatlhogo sa me fa monnaa lona a sa tle le lona.’ ”
6
Iseraele a re: “Ana lo ne lo ntirelelang bosula lo bolelela monna yoo fa lo sa na le mongwe monnaa lona?”
7
Ba re: “Monna yoo o re boditse thata ka ga rona ka rosi, le ka ba ga rona a re: ‘A rraeno o sa tshedile? A lo sa na le mongwe monnaa lona?’ Ra mmolelela ka fa mafoko ao a ne a ntse ka gone; a re ne re ka itse fa a tlaa re raya a re: ‘Lo tle le monnaa lona’?”
8
Juta a raya Iseraele rraagwe a re: “Lesa mosimane ke tsamaye nae, re tlaa tloga re tsamaya, gore re tshele, re se ka ra a swa, rona le wena, le bone banyana ba rona.
9
Nna ke tlaa tlhomamisa pabalesego ya gagwe; o tlaa mo lopa mo seatleng sa me. E tlaa re fa ke sa tle nae ka mmaya fa pele ga gago, foo molato o tlaa bo o ntshwere ka bosakhutleng.
10
Gonne fa re ka bo re ne re sa ka ra diega, ruri re ka bo re bile re boile lwa bobedi.”
11
Rraabo Iseraele a ba raya a re: “Fa go ntse jalo, a lo ko lo dire jaana; lo tsee maungo a a tlhophegileng a lefatshe mo dilwaneng tsa lona, lo isetse monna yoo mpho, balemonyana, le dinotshenyana, le dilo tse di lonko lo monate, tsa malao le mura, le dinuta, le dithamane.
12
Lo tseye madi sebedi mo seatleng sa lona; madi a lo neng lo a reboletswe mo melomong ya dikgetse tse tsa lona, lo a tshole gape mo atleng sa lona; e tlaa re gongwe e bo e ne e le go a tlodisa matlho fela.
13
Le gone ene monnaa lona lo mo tseye, lo nanoge, lo ye kwa go monna yoo.
14
Modimo Mothatayotlhe a lo neye kutlwelo botlhoko fa pele ga monna yoo, gore a tle a lo gololele morwa rraeno yo mongwe le Benjamine. Mme fa ke thopiwa bana ba me, ke a thopiwa.”
15
Banna ba, ba tshola mpho, ba ba ba tshola madi sebedi mo seatleng sa bone, le Benjamine; ba nanoga ba fologela kwa Egepeto, ba ema fa pele ga Josefe.
16
E rile Josefe a bona fa Benjamine a na nabo, a raya molebalebi wa ntlo ya gagwe a re: “Isa banna bao mo ntlong; o tlhabe, o etleetse, gonne banna bao ba tlaa ja le nna motshegare o mogolo.”
17
Monna yo a dira jaaka Josefe a buile; mme monna yo a isa banna ba mo ntlong ya ga Josefe.
18
Banna ba, ba boifa, ka gobo ba isiwa mo ntlong ya ga Josefe; ba re: “Re isiwa mo ntlong ka ntlha ya madi a re a reboletsweng mo dikgetseng tsa rona lwa ntlha, gore a re bonele seipato, a itse go re wela, a re ntsha batlhanka, le diesela tsa rona a di gapa.”
19
Ba atamela molebalebi wa ntlo ya ga Josefe, ba bua nae fa mojakong wa ntlo.
20
Ba re: “Ao morena, re kile ra tla ruri lwa ntlha go reka dijo.
21
Ga dirala, e rile re fitlha felo kwa re lalang gone, ra bofolola dikgetse tsa rona, mme bona, madi a mongwe le mongwe a bo a le mo molomong wa kgetse, madi a rona a le selekanyo se se tletseng; re bile re a tshotse gape mo seatleng sa rona.
22
Le madi a mangwe re tsile nao go tla go reka dijo; ga re itse yo o tsentseng madi a rona mo dikgetseng tsa rona.”
23
Mme a re: “A kagiso e nne le lona, se boifeng. Modimo wa lona, le Modimo wa ga rraeno o lo neile khumo mo dikgetseng tsa lona; ke ne ka amogela madi a lona.” Mme a ntshetsa Simeone kwa go bone.
24
Monna yo a isa banna bao mo ntlong ya ga Josefe, a ba naya metsi, ba itlhapisa dinao; a ba a fa diesela tsa bone dijo.
25
Ba baakanya mpho ya bone ba lebelela go tla ga Josefe motshegare o mogolo; gonne ba utlwile fa ba tlaa ja dijo gone.
26
E rile Josefe a tla gae, ba isa mpho e ba e tshotseng kwa go ene mo ntlong, ba mo ikobelela fa fatshe.
27
A ba botsa go tshela ga bone a re: “A rraeno o sa tshedile, ke raya monnamogolo yo lo kileng lwa bua ka ga gagwe, a o sa tshedile?”
28
Ba re: “Motlhanka wa gago rraa rona o tshedile sentle, o sa ntse a tshela.” Mme ba oba ditlhogo tsa bone, ba ikokobetsa.
29
A tsholetsa matlho a gagwe, a bona Benjamine, monnawe, ngwana wa ga mmaagwe a re: “A yo ke ene monnaa lona yo mmotlana, yo lo mo mpoleletseng?” Mme a re: “A Modimo o nne pelontle nao morwaaka.”
30
Josefe a akofa, ka gobo mateng a gagwe a hohomela monnawe; a senka fa o ka lelelang gone; a tsena mo ntlong ya gagwe e e kwa teng, a lelela gone.
31
Mme a tlhapa sefatlhogo, a tswa; a ithiba, a re: “Tsholang dijo.”
32
Ene ba mo tsholela a le esi, le bone ba tsholelwa ba le bosi, le bone Baegepeto ba ba jang nae, ba le bosi; gonne Baegepeto ba ne ba sa ka ke ba a ja dijo le Bahebere; gonne moo, ke moila mo go Baegepeto.
33
Ba dula fa pele ga gagwe, wa ntlha ka fa go tsalweng ga gagwe, le yo mmotlana ka fa bobotlaneng jwa gagwe; banna ba, ba gakgamalelana.
34
A tloga a ba tabolela dijo, tsa isiwa kwa go bone; tse di tabolelwang Benjamine tsa bo di le kana ka tsa ba bangwe ba le batlhano. Ba a nwa, ba dira mokete nae.
← Chapter 42
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 44 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50