bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Genesis 16
Genesis 16
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 15
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 17 →
1
Jaana Sarai, mosadi wa ga Aberame, a bo a sa bone bana nae; a bo a na le lelata, e le Moegepeto, leina la gagwe go twe, Hagare.
2
Sarai a raya Aberame a re: “Bona jaana, Jehofa o ntlhokisitse go bona bana; ke a go rapela, ya kwa lelateng la me, e tle e re gongwe ke bone bana ka ene.” Aberame a reetsa lentswe la ga Sarai.
3
Sarai, mosadi wa ga Aberame, a tsaya Hagare wa Moegepeto, lelata la gagwe, a mo naya Aberame monna wa gagwe, gore e nne mosadi wa gagwe. E ne e le morago ga Aberame a sena go aga dinyaga di le lesome mo lefatsheng la Kanana.
4
A ya kwa go Hagare, a nna moimana; o rile a ipona a le moimana, a ikgodisa a simolola go nyatsa mohumagadi wa gagwe.
5
Sarai a raya Aberame a re: “Ke molato wa gago gore tiro e e sa siamang e, e ntirafalele. Ke isitse lelata la me mo sehubeng sa gago; o rile a ipona a imile a nnyatsa. A Jehofa a atlhole fa gare ga me le wena.”
6
Aberame a raya Sarai a re: “Bona, lelata la gago le mo seatleng sa gago; mo dire se se molemo mo matlhong a gago.” Sarai a mo direla ka bopeloethata; a tshaba sefatlhogo sa gagwe.
7
Moengele wa ga Jehofa a mo fitlhela fa motsweding wa metsi mo nageng, fa motsweding o o mo tseleng e e yang Shure.
8
A re: “Hagare, lelata la ga Sarai, o tswa kae? Mme o ya kae?” A re: “Ke tshaba sefatlhogo sa mohumagadi wa me, Sarai.”
9
Moengele wa ga Jehofa a mo raya a re: “Boela kwa mohumagading wa gago, o ineele mo seatleng sa gagwe.”
10
Moengele a ba a mo raya a re: “Ke tlaa ntsifatsa losika lwa gago thatathata, lo ba lo tla lo retela go balwa ke bontsi.”
11
Moengele wa ga Jehofa a mo raya a re: “Bona, o moimana jaana, o tlaa bona ngwana wa mosimane; o tlaa raya ngwana leina o re: ‘Išemaele’, ka gobo Jehofa o utlwile patikego ya gago.
12
“Ene o tlaa nna jaaka esela ya naga mo bathong; o tlaa lwantsha motho mongwe le mongwe; le motho mongwe le mongwe o tlaa mo lwantsha. O tlaa aga a lebaganye le bana botlhe ba ga rraagwe.”
13
A raya Jehofa yo o buileng nae leina, a re: “O Modimo o o bonang;” gonne a re: “A ntsaana ke bonye fano ene yo o mponang?”
14
Ke gone ka moo sediba sa bidiwa Beere-lahai-roi (ke go re: “Sediba sa Motshedi yo o mponang”). Bonang, se fa gare ga Kateše le Berete.
15
Hagare a bona ngwana wa mosimane le Aberame. Aberame a raya leina la ga morwawe yo Hagare a mmonyeng a re, Išemaele.
16
Aberame a bo a le dinyaga di le 86 fa Hagare a bona Išemaele nae.
← Chapter 15
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 17 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50