bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Genesis 31
Genesis 31
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 30
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 32 →
1
A utlwa mafoko a bomorwa Labane jaaka ba re: “Jakobe o tshotse tsotlhe tse e neng e le tsoo rraetsho; khumo e yotlhe o e bonye ka se e neng e le sa ga rraetsho.”
2
Jakobe a leba sefatlhogo sa ga Labane, mme bonang, sa bo se sa mo lebe jaaka gale.
3
Jehofa a raya Jakobe a re: “Boela kwa lefatsheng la borraago, le kwa go bagaeno; mme ke tlaa nna nao.”
4
Jakobe a roma a ya go bitsa Ragele le Lea gore ba tle kwa nageng kwa letsomaneng.
5
A ba raya a re: “Ke bona sefatlhogo sa ga rraeno gore ga se a nteba jaaka gale; Modimo wa ga rre o ntse o na le nna.
6
Lo a itse fa ke diretse rraeno ka thata ya me yotlhe fela.
7
Mme rraeno o ntsieditse o fetotse maduo a me gasome. Modimo ga o a ka wa mo leseletsa go nkutlwisa botlhoko.
8
E ne e tle e re fa a bua jaana a re: ‘Tse di mmala o maragaraga e tlaa nna maduo a gago;’ foo letsomane lotlhe le tsale tse di maragaraga; mme e re fa a re: ‘Tse dingolwana di tlaa nna maduo a gago,’ foo letsomane lotlhe le tsale bongolwana.
9
Jalo Modimo o tlositse dikgomo tsoo rraeno wa di nnaya.
10
“Ga dirala ya re lobaka lo letsomane le emerang ka lone, ka tsholetsa matlho a me, ka bona mo torong, mme bonang, diphoko tse di bekarang letsomane e le tse dingolo, le tse di maragaraga, le tse dithamaga.
11
Moengele wa Modimo o ntheile mo torong a re: ‘Jakobe!’ mme ka re: ‘Ke fano.’
12
A re: ‘Tsholetsa matlho a gago jaana o bone, diphoko tsotlhe tse di bekarang letsomane ke tse di ngolo, le tse di maragaraga, le tse di thamaga; gonne ke bonye tsotlhe tse Labane o di go direlang.
13
Ke nna Modimo wa Bethele, kwa o tloleditseng lentswe le o le tlhomileng gone, kwa o ikanetseng maikano gone. Jaanong nanoga o tswe mo fatsheng le, o boele kwa lefatsheng la botsalelo jwa gago.’ ”
14
Ragele le Lea ba mo fetola ba re: “A go sa ntse go na le kabelo nngwe le fa e le boswa bongwe mo ntlong ya ga rraetsho?
15
A ga re kaiwe baeng fela ke ene, ka a re rekisitse, a bile a jele a sweditse magadi a rona?
16
Gonne mahumo otlhe a Modimo o a tlositseng mo go rraetsho, ke a rona le a bana ba rona; jaana le fa e le eng se Modimo o se go reileng, o se dire fela.”
17
Foo Jakobe a nanoga, a pagamisa bomorwawe le basadi ba gagwe mo dikameleng;
18
a tsamaya le dikgomo tsotlhe tsa gagwe le thoto ya gagwe yotlhe fela e o neng a e phuthile, dikgomo tse o di bapetseng, tse o neng a di phuthile mo Patanaarame, gore a ye kwa go Isake rraagwe kwa lefatsheng la Kanana.
19
Jaana Labane o ne a ile go beola dinku tsa gagwe; mme Ragele a utswa medimo ya disetwa ya ga rraagwe.
20
Jakobe a ngwega Labane wa Mosiria a sa itse, ka gobo a se ka a mmolelela fa a tshaba.
21
Jalo a tshaba ka tsotlhe tse o neng a na natso; a nanoga a kgabaganya Noka, a leba thaba ya Gileate.
22
E rile ka letsatsi la boraro Labane a bolelelwa fa Jakobe a tshabile.
23
A tsaya ba ga gabo, a ya nabo, a mo latela loeto lwa malatsi a supa, mme a mo fitlhela mo thabeng ya Gileate.
24
Modimo wa tla kwa go Labane wa Mosiria ka toro ya bosigo, wa mo raya wa re: “O itise gore o se ka wa bua le Jakobe molemo le fa e le bosula.”
25
Labane a fitlha kwa go Jakobe; mme Jakobe o ne a tlhomile mogope wa gagwe mo thabeng; Labane a na le ba ga gabo, a tlhoma wa gagwe mo thabeng ya Gileate.
26
Labane a raya Jakobe a re: “O dirile jang fa e le fa o ngwegile jaana ke sa itse, mme wa tsamaisa bomorwadiake jaaka ditshwarwa tsa tšhaka fela?
27
O ne o tshabelang go sa itsiwe, o nngwegela o sa mpolelela? Aitse nkabo ke go neile tsela ka go direla mokete, le ka dipina, ka meropa, le harepe.
28
Wa se ka wa ntesa ka atla bomorwaake le bomorwadiake. Aitse o dirile ka boeleele.
29
Go mo thateng ya seatla sa me go lo utlwisa botlhoko; mme Modimo wa ga rraago o letse o buile le nna bosigo wa re: ‘O itise gore o se ka wa bua le Jakobe molemo le fa e le bosula.’
30
Jaana le fa o ne o tlhoafaletse go tsamaya, ka o tlhologeletswe ntlo ya ga rraago mo go botlhoko, le fa go ntse jalo, ana o utswetseng medimo ya me?”
31
Jakobe a fetola Labane, a mo raya a re: “Ke ka gonne ke ne ke boifa; ka ke ithaya ke re o ka tla wa ntseela bomorwadio ka thata.
32
Le fa e le mang yo o tlaa fitlhelang medimo ya gago mo go ene, ga a ketla a tshela; fa pele ga ba ga rona, o tlhaloganye se e leng sa gago se ke nang naso o se tseye.” Ka go bo Jakobe a sa itse fa Ragele a e utswile.
33
Labane a tsena mo mogopeng wa ga Jakobe le mo mogopeng wa ga Lea, le mo mogopeng wa malata oo mabedi; mme a se ka a e bona. A tswa mo mogopeng wa ga Lea a tsena mo mogopeng wa ga Ragele.
34
Jaana Ragele o ne a tshotse medimo eo, a e tsentse mo dipeeletsong tsa dikamela, a e ntse godimo. Labane a phuruphutsa mogope otlhe, mme a se ka a e bona.
35
Ragele a raya rraagwe a re: “A morena wa me a se nne bogale ka ke sa ka ke ka nanoga fa pele ga gago; gonne mokgwa wa basadi o mo go nna.” Mme a hukutsa, mme a se ka a bona mereo.
36
Jakobe a nna bogale a omana le Labane; Jakobe a fetola Labane a mo raya a re: “Tlolo ya me ke eng? Boleo jwa me ke bofe fa o tla o ntshetse morago ka bogale jo bo tukang jaana?
37
E re ka o phuruphuditse thoto ya me yotlhe fela, o bonye eng sa thoto yotlhe ya gago? Se beye fa, fa pele ga bagaetsho le bagaeno, gore ba tle ba atlhole fa gare ga rona roo babedi.
38
Ke ntse ka nna nao dinyaga tse di 20; dinku tsa gago tse dinamagadi le dipodi tse dinamagadi tsa gago ga di a folotsa, le diphelefu tsa letsomane la gago ga ke a di ja.
39
Se se gagotsweng ke dibatana, ga ke a ka ka se isa kwa go wena, mme ka se emisetsa; wa se lopa mo seatleng sa me le fa se utswilwe motshegare le fa e le bosigo.
40
Ka nna fela jaana; e re motshegare ka jewa ke letsatsi le ke serame bosigo; boroko jwa me jwa tshaba matlho a me.
41
Dinyaga tse di 20 ke ntse ke le mo ntlong ya gago; ke go diretse ka ntata ya bomorwadio ba babedi, dinyaga di le 14, ka direla letsomane la gago dinyaga di le thataro; o fetotse maduo a me gasome.
42
Fa Modimo wa ga rre le Modimo wa ga Aberahame, le o o boifiwang ke Isake o ka bo o se ka wa nna le nna, ruri e ka bo e le fano o mpusitse ke iphotlhere fela. Modimo o bonye patikego ya me le tiro ya diatla tsa me, mme o letse o go kgalemetse bosigo.”
43
Labane a fetola Jakobe a mo raya a re: “Bana bao ba basetsana ke bomorwadiake, le banyana bao ke bongwanake, matsomane ao ke matsomane a me, le tsotlhe tse o di bonang ke tsa me; ke ne ke ka dirang ka ga bomorwadiake ba, gompieno, le fa e le bana ba bone ba ba ba bonyeng?
44
Jaana, a re dire kgolagano, nna le wena; e nne sesupo gare ga me nao.”
45
Jakobe a tsaya lentswe a le emisa jaaka segopotso.
46
Jakobe a raya ba ga gabo a re: “Rorang maje;” mme ba tsaya maje ba a dira sefikantswe; ba jela gone fa sefikantsweng.
47
Labane a se raya leina a re: “Jegare-Sahadutha”; mme Jakobe ene a se bitsa “Galeete.”
48
Labane a re: “Sefikantswe se ke sesupo fa gare ga me nao gompieno.” Ke gone ka moo leina la sone go ne go twe Galeete,
49
le Misepa, ka a re: “A Jehofa a lebelele gare ga me nao, motlhang re sa tlholeng re bonana.
50
E tlaa re fa o patika bomorwadiake, le gone fa o tsaya basadi ba sele kwa ntle ga bomorwadiake; gobo go se na motho ope le rona; bona, Modimo ke one mosupi gare ga me nao.”
51
Labane a raya Jakobe a re: “Bona sefikantswe se, o bo o bone lentswe le, tse ke di tlhomileng gare ga me le wena.
52
Sefikantswe se e nne sesupo, le lentswe le nne sesupo, fa ke se ketla ke feta sefikantswe ke ya foo go wena le gone le wena fa o se ketla o feta sefikantswe se, le lentswe le, go tla kwa go nna go utlwisanya botlhoko.
53
A Modimo wa ga Aberahame, le Modimo wa ga Nahore, Modimo wa ga rraago, o atlhole fa gare ga rona.” Mme Jakobe a ikana ka o o boifiwang ke Isake rraagwe.
54
Jakobe a isa setlhabelo mo thabeng, a bitsa ba ga gabo ba tla go ja dijo, mme ba a ja, mme ba lala mo thabeng.
55
Labane a phakela ka moso, a atla bomorwawe le bomorwadie, a ba segofatsa. Labane a tsamaya a boela kwa ga gabo.
← Chapter 30
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 32 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50