bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Genesis 32
Genesis 32
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 31
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 33 →
1
Jakobe a tswelela mo tseleng ya gagwe, baengele ba Modimo ba rakana nae.
2
E rile Jakobe a ba bona a re: “Le ke lesomo la Modimo.” A raya felo foo leina a re Mahanaime.
3
Jakobe a roma batho ba mo etelela pele ba ya kwa go Esau mogolowe, kwa lefatsheng la Seire, naga ya Etome.
4
A ba laya a re: “Lo tlaa bua jaana le morena wa me Esau lo re: ‘Motlhanka wa gago Jakobe o bua jaana a re: Ke jakile kwa go Labane ke diegile gone go tla nakong eno.
5
Ke na le dikgomo, le diesela, le matsomane, le batlhanka, le malata. Ke rometse go bolelela morena wa me gore ke bone tsalano mo matlhong a gago.’ ”
6
Barongwa ba ya ba boela mo go Jakobe ba re: “Re ile ra fitlha kwa go mogoloo Esau, le gone ene o e tla go go kgatlhantsha, banna ba ba 400 ba bile ba na nae.”
7
Foo Jakobe a boifa thata, a pitlagana; a kgaoganya batho ba o nang nabo, le matsomane, le matlhape, le dikamela a dira masomo a le mabedi.
8
A re: “E tlaa re fa Esau a fithela lesomo lengwe a le kgemetha, foo lesomo le lengwe le le setseng le tlaa falola.”
9
Jakobe a rapela a re: “Modimo wa ga Aberahame rre, le Modimo wa ga Isake rre, Jehofa, yo o ntheileng wa re: ‘Boela kwa lefatsheng la gaeno, le kwa go bagaeno, ke tlaa go direla molemo.’
10
Ga ke a tshwanelwa ke bope le fa e le jo bonnye jwa mapelonomi otlhe le fa e le jwa boammaaruri jotlhe jo o bo supeditseng motlhanka wa gago, gonne ke ne ka tlola noka e ya Joretane ke na le thobane ya me fela, mme gompieno ke diregile masomo a le mabedi.
11
Ke a go rapela, a ko o nkgolole mo seatleng sa ga mogolole, mo seatleng sa ga Esau; gonne ke a mmoifa, o ka tla a nkgemetha, le mma bana le bana.
12
Wena o rile: ‘Ruri ke tlaa go direla molemo, ke tlaa dira losika lwa gago go nna jaaka mošawa wa lewatle o o sa ka keng wa balwa ka bontsi.’ ”
13
A lala gone bosigo joo, a tsaya mo go tse a nang natso, a baakanyetsa Esau mogolowe mpho:
14
dipodi tse dinamagadi di le 200, le diphoko di le 20, dinku tse dinamagadi di le 200, le diphelefu di le 20,
15
dikamela tse di amusang di le 30 le dikamelana tsa tsone, dikgomo tse dinamagadi di le 40, le dipoo di le some, diesela tse dinamagadi di le 20 le dieselana di le some.
16
A di neela batlhanka, setlhophana sengwe le sengwe se le sosi; a raya batlhanka ba gagwe a re: “Tsamaelang kwa pele ga me, lo ntshe sebaka fa gare ga setlhophana le setlhophana.”
17
Yo o kwa pele pele a mo laya a re: “E tlaa re Esau mogolole a kgatlhana nao, a go botsa a re: ‘O wa ga mang? O ya kae? Le dilo tse di fapele ga gago ke tsa ga mang?’
18
Foo o re: ‘Ke tsa ga Jakobe motlhanka wa gago; ke mpho e e newang morena wa me Esau. Bona, le ene o kwa morago ga rona.’ ”
19
A laya le wa bobedi le wa boraro, le botlhe ba ba setseng ditlhophana morago a re: “Lo tlaa bua le Esau ka mokgwa o o ntseng jalo fa lo mmona.
20
Lo tlaa re: ‘Le gone, bona, motlhanka wa gago Jakobe o kwa morago ga rona.’ ” Gonne a re: “Ke tlaa mo tima bogale ka mpho e e nketeletseng pele, morago ke tlaa bona sefatlhogo sa gagwe; e tlaa re gongwe a nkamogele.”
21
Jalo mpho ya tshelela noka kwa pele ga gawe; mme ene ka esi a lala le lesomo bosigo joo.
22
A tsoga bosigo joo, a tsaya basadi ba gagwe ba babedi, le malata a gagwe a mabedi, le bana ba gagwe ba le some le motso, a kgabaganya ka letsibogo ja Jaboke.
23
A ba tsaya a ba kgabagantsha noka a ba a kgabagantsha dilo tse a nang natso.
24
Jakobe a sala a le esi; mme ga sokasokana nae monna mongwe go tsamaya bosigo jwa a sa.
25
Mme a re a bona a sa mo fenye, a ama tswinke ya noka ya gagwe; tswinke ya noka ya ga Jakobe ya khumoga ka a sokasokana nae.
26
A mo raya a re: “Ntesa ke tsamaye gonne bosigo bo a sa.” Mme a re: “Ga nketla ke go lesa o tsamaya fa o sa ntshegofatse.”
27
A mo raya a re: “Leina la gago e mang?” A re: “Jakobe.”
28
Mme a re: “Leina la gago ga le ketla le tlhola le bidiwa Jakobe, le tlaa bidiwa Iseraele, gonne o ganetse le Modimo le batho, mme o fentse.”
29
Jakobe a mmotsa a re: “Ke a go rapela, a ko o mpolelele leina la gago.” Mme a re: “Ke ka ntlha yang fa o botsa leina la me?” Mme a mo segofatsa gone.
30
Jakobe a raya leina la felo foo a re, Peniele; gonne a re: “Ke bonye Modimo re lebanye difatlhogo, mme botshelo jwa me bo bolokilwe.”
31
Letsatsi la mo tlhabela a fapaanya Peniele, a bo a bolawa ke noka.
32
Ke gone ka moo bana ba Iseraele ba sa jeng mosifa wa noka o o mo tswinkeng ya serope le gompieno; gonne a ama tswinke ya serope sa ga Jakobe mo mosifeng wa noka.
← Chapter 31
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 33 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50