bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Genesis 38
Genesis 38
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 37
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 39 →
1
Mme ga dirala ya re ka lobaka loo, Juta a huduga a tswa mo go bomorwa rraagwe, a menogela kwa monneng mongwe wa Moadulame, leina la gagwe go twe Hira.
2
Juta a bona morwadia Mokanana mongwe gone, leina la gagwe go twe Shua; a mo tsaya, a tsena kwa go ene.
3
Mme a nna moimana, a bona ngwana wa mosimane; a mo raya leina a re, Ere.
4
A ba a nna moimana gape, a bona ngwana wa mosimane; a mo raya leina a re, Onane.
5
A fela a bona ngwana wa mosimane gape, a mo raya leina a re, Shela. Juta a bo a le kwa Kesibe fa mosadi a bona ngwana yo.
6
Juta a tseisa Ere ngwana wa gagwe wa ntlha mosadi, leina la gagwe go twe, Tamare.
7
Ere, ngwana wa ntlha wa ga Juta a bo a le bosula mo matlhong a ga Jehofa; mme Jehofa a mmolaya.
8
Juta a raya Onane a re: “Tsena kwa go mogatsa mogoloo, o mo tlhatswe ka fa tshwanelong ya monnaa motho, o tsosetse mogoloo losika.”
9
Onane a bo a itse fa losika e tlaa bo e se lwa gagwe; mme ga dirala e ne e tle e re a tsena mo go mogatsa mogolowe a thololele fa fatshe, gore e se ka ya re gongwe a tsosetsa mogolowe losika.
10
Selo se o se dirileng se ne se le bosula mo matlhong a ga Jehofa; mme le ene a mmolaya.
11
Foo, Juta a raya Tamare ngwetsi ya gagwe a re: “Nna fela mo ntlong ya ga rraago o le motlholagadi, e bo e tle Shela morwaake a gole.” A ithaya a re: “E se ka ya re gongwe le ene a swa jaaka bomogolowe.” Tamare a ya a nna mo ntlong ya ga rraagwe.
12
Ya tla ya re motlha mongwe morwadia Shua, mosadi wa ga Juta, a swa; mme Juta a gomotsega, a tlhatlogela kwa babeoding ba dinku tsa gagwe kwa Timena, le tsala ya gagwe Hira wa Moadulame.
13
Tamare a bolelelwa ga twe: “Bona, matsalaago o tlhatlogela kwa Timena go beola dinku tsa gagwe.”
14
Mme a apola diaparo tsa gagwe tsa botlholagadi, a ipipa ka losire lwa gagwe, a ipopaganya, a dula fa kgorong ya Enaime o o fa tseleng e e yang Timena; gonne a bona fa Shela a setse a godile, a sa mo neelwe go nna mosadi wa gagwe.
15
E rile Juta a mmona a ithaya a re, ke seaka; gonne o ne a ipipile sefatlhogo.
16
A fapogela kwa go ene fa tseleng a re: “Ke a go rapela, a re ye koo, o mme ke ye mo go wena;” gonne a sa itse fa e le ngwetsi wa gagwe. Mme a re: “O tlaa nnaya eng gore o tle o tle mo go nna.”
17
A re: “Ke tlaa go romela potsane ya dipodi e tswa kwa letsomaneng.” Mosadi a re: “A o tlaa mpeela sengwe o tle o tsamaye o bo o e tlise?”
18
Mme a re: “Ke tlaa go beela eng?” A re: “Sekano sa gago, le mogala wa sone, le thobane ya gago e e mo seatleng sa gago.” Mme a di mo neela, a ya mo go ene, a mo imisa.
19
Tamare a nanoga a tsamaya, a apola losire lwa gagwe, a apara diaparo tsa botlholagadi jwa gagwe.
20
Juta a romela potsane ka seatla sa tsala ya gagwe ya Moadulame, gore a amogele peelo mo seatleng sa mosadi; mme a se ka a mo fitlhela.
21
Foo a botsa banna ba ga gabo mosadi, a re: “Se kae seaka se se neng se le kwa Enaime ka fa tseleng?” Ba re: “Ga go ise go ke go nne seaka mono.”
22
A boela kwa go Juta a re: “Ga ke a ka ka mo fitlhela; le bone banna ba felo foo ba re: ‘Ga go ise go ke go nne seaka mono.’ ”
23
Juta a re: “A a se itseele, e se re gongwe ra tlhabisiwa ditlhong; bona, ke rometse potsane e, mme ga o a ka wa mo fitlhela.”
24
Ga dirala ya re e ka ne e le dikgwedi di le tharo morago, ga bolelelwa Juta ga twe: “Tamare ngwetsi wa gago, o akafetse; le gone o moimana ka boaka.” Juta a re: “Mo ntshetseng kwa ntle, a fisiwe.”
25
E rile a ntshediwa kwa ntle a roma kwa go matsalaagwe a re: “Ke ka monna yo dilo tse e leng tsa gagwe ke leng moimana ka ene; a ba a re ke a go rapela, sekaseka dilo tse, o bone gore ke tsa ga mang, sekano, le megala, le thobane?”
26
Juta a di dumela a re: “Ee, tsa me;” a ba a re: “Ene o siame bogolo go nna: ka gobo ke se ka ka mo neela Shela morwaake.” Mme a se ka a ba a tlhola a mo itse.
27
Ya re mo motlheng wa go belega ga gagwe, bonang, ga bo go le bana ba mafatlha mo sebopelong sa gagwe.
28
Ga dirala ya re a iteka, mongwe a ntsha letsogo; mme mmelegisi a tsaya tlhale e khibidu a e bofelela mo letsogong la gagwe, a re: “Yo o dule pele.”
29
Mme ya re a busa seatla, bonang, monnawe a tswa; mme mmelegisi a re: “O no o intsheletsang phatlha?” Ke gone ka moo leina la gagwe go tweng Perese.
30
Morago ga tswa mogolowe yo o nang le tlhale e khibidu mo letsogong; mme a rewa leina ga twe, Sera.
← Chapter 37
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 39 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50