bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Genesis 49
Genesis 49
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 48
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 50 →
1
Jakobe a bitsa bomorwawe a re: “Phuthegang, gore ke tle ke lo bolelele se se tlaa lo diralelang mo metlheng e e tlaa tlang.
2
“Phuthegang, lo utlwe, lona bomorwa Jakobe; lo reetse Iseraele rraeno.
3
Rubene, ke wena wa ntlha wa me; nonofo ya me le tshimologo ya thata ya me; tlotlomalo ya bogolo, tlotlomalo ya bonatla.
4
Ka go kgaphea kgaphea jaaka metsi, ga o ketla o nna le tlotlomalo: ka go bo o kile wa tlhatlogela kwa bolaong jwa ga rraago; wa bo leswefatsa; a ya mo diphateng tsa me.
5
Simeone le Lefi ke bana ba monna; ditšhaka tsa bone ke dibolao tsa thubakanyo.
6
Ao, mowa wa me, o se ka wa tsena mo maomeng a bone; kgalalelo ya me, o se ka wa kopana le phuthego ya bone; gonne ba bolaile banna ka bogale jwa bone, le mo go itaoleng ga bone ba kgaola dipholo mesifa.
7
A go hutsege bogale jwa bone gonne bo ne bo le bolau; le tšhakgalo ya bone, gonne e ne e le bolalome; ke tlaa ba kgaoganya mo go Jakobe, ke ba phatlalatsa mo go Iseraele.
8
Juta, wena bomorwa rraago ba tlaa go baka; seatla sa gago se tlaa nna mo thamong tsa baba ba gago. Bomorwa rraago ba tlaa ikoba fa pele ga gago.
9
Juta ke ngwana wa tau; morwaaka, o tlhatlogile mo setotong, a inama, a namalala jaaka tau, le jaaka tau e namagadi; o tlaa tsosiwa e mang?
10
Thobane ya bogosi ga e ketla e tloga mo go Juta, le fa e le lore lwa molaodi go tloga fa gare ga dinao tsa gagwe, go bo go tle go tsamaye Shilo a tle pele. Go utlwa ga ditšhaba go tlaa nna kwa go ene.
11
Ka a golegelela petsana ya gagwe mo mofineng, le eselana ya gagwe mo mofineng o o tlhophegileng: o tlhatswitse diaparo tsa gagwe mo bojalweng jwa mofine, le kobo ya gagwe mo mading a loungo lwa mofine.
12
Matlho a gagwe a tlaa hubidiwa ke bojalwa jwa mofine, le meno a gagwe a tlaa sweufadiwa ke maši.
13
Sebulone o tlaa aga kwa bogorogelong jwa lewatle; o tlaa nna bogorogelo jwa dikepe. Molelwane wa gagwe o tlaa tshwaragana le Sitone.
14
Isakare ke esela e e thata, e namaletse fa gare ga maraka a dinku,
15
mme a bona felo gongwe ga boikhutso fa go le molemo, le lefatshe fa le ne le le monate; a sekegela lerudi la gagwe go sikara, a tswa motlhanka yo o nnang mo tirong e o e patikelwang.
16
Dane o tla atlhola batho ba gagwe, jaaka lotso longwe lwa Iseraele.
17
Dane o tlaa nna noga mo tseleng; le šaušawane e e lomang magwejana a pitse, mopalami a wele kwa morago.
18
Jehofa, ke ntse ke lebeletse poloka ya gago.
19
Gate, setlhopha sa bonokwane se tlaa mo pitlaganyetsa: ene o tlaa ba pitlaganyetsa ba hulere.
20
Mo go Ašere, dijo tsa gagwe di tlaa nna mahura, o tlaa tswa dijo tse di metsegang tsa segosi.
21
Nafetali ke phala e namagadi e e golotsweng; o ntsha mafoko a a molemo.
22
Josefe ke kala e e ungwang thata, kala e e ungwang fa motsweding; dikala tsa gagwe di tlolaganya lorako.
23
Bahudi ka metswi ba mo tshwentse mo go botlhoko, ba mo hula, ba mmogisa.
24
Mme bora jwa gagwe jwa nna mo thateng, mabogo a diatla tsa gagwe a thatafadiwa ke diatla tsa Mothata wa ga Jakobe, yo e leng modisa le lefika la ga Iseraele,
25
e bong ka Modimo wa ga rraago o o tlaa go thusang, le ka Mothatayotlhe, yo o tlaa go segofatsang, ka masego a legodimo kwa godimo, le masego a boteng jo bo namaletseng kwa tlase, masego a mabele, le a sebopelo.
26
Masego a ga rraago a feteletse bogolo go masego a batsadi ba me ba pele, go ya kwa sekhutlong sa bofelo sa dithaba tse di emeng ka bosakhutleng. A tlaa nna mo tlhogong ya ga Josefe; le mo phogong ya gagwe yo a neng a kgaoganye le bomorwa rraagwe.
27
Benjamine ke phiri e e phamolaphamolang: o tlaa garola setoto ka moso, maitseboa o tlaa aba mo go bolailweng.”
28
Botlhe bao ke bone ditso tse di 12 tsa Iseraele; mme se ke sone se rraabo o se buileng nabo a ba segofatsa; mongwe le mongwe ka fa tshegofatsong ya gagwe, a ba segofatsa.
29
Mme a ba laya, a ba raya a re: “Ke na le go phuthelwa kwa bathong ba gaetsho; lo mphitlhe fa go borraetsho mo logageng lo lo mo sebateng sa naga sa ga Eferone wa Mohite.
30
Mo logageng lo lo mo nageng ya Makapela, bolebana le Mamere, kwa lefatsheng la Kanana, lo Aberahame o lo rekileng le sebata sa naga mo go Eferone wa Mohite go nna boswa jwa phitlhelo.
31
Ba fitlhile Aberahame le Sara mosadi wa gagwe gone; ba fitlhile Isake le Rebeka mosadi wa gagwe gone; ka fitlha Lea gone.
32
Ke raya sebata sa naga le logaga lo lo mo go sone, mo go rekilweng mo baneng ba ga Hethe.”
33
E rile Jakobe a sena go wetsa go laya bomorwawe, a gonela dinao tsa gagwe mo bolaong, a khutla, mme a phuthelwa kwa bathong ba ga gabo.
← Chapter 48
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 50 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50