bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Genesis 4
Genesis 4
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 5 →
1
Monna a itse Efa mosadi wa gagwe; a nna moimana a bona Kaine, a re: “Ke bonye monna ka thuso ya ga Jehofa.”
2
Gape a bona Abele, monnawe. Abele e ne e le modisa wa dinku, Kaine e le molemi.
3
E rile motlha mongwe Kaine a tlisa ga loungo lwa mmu, a direla Jehofa tshupelo.
4
Abele, le ene a tlisa ga maitibolo a letsomane la gagwe, a na le mahura a lone. Mme Jehofa a itumelela Abele le tshupelo ya gagwe;
5
a se ka a itumelela Kaine le tshupelo ya gagwe. Jalo Kaine a nna bogale thata, le sefatlhogo sa gagwe sa befa.
6
Jehofa a raya Kaine a re: “Ana o galefetseng? Le sefatlhogo sa gago se befetseng?
7
A ga ke re fa o dira sentle o tlaa amogelesega? Mme fa o sa dire sentle, boleo bo ipobile fa mojakong; mme keletso ya jone e tlaa nna mo go wena, mme wena o bo laole.”
8
Kaine a bua le Abele, monnawe. Mme ga dirala ya re ba le kwa nageng, Kaine a kgomogela Abele monnawe, a mmolaya.
9
Jehofa a raya Kaine a re: “Abele monnao, o kae?” A araba a re: “Ga ke itse. A ke modisa wa ga nnake?”
10
Jehofa a re: “Ana o dirile eng? Lentswe la madi a ga monnao le mpitsa le tswa mo mmung.
11
Jaanong o hutsitswe ke mmu, o o atlhamolotseng molomo wa one, go tsenya madi a ga monnao, a tswa seatleng sa gago.
12
E tlaa re o lema mmu, ga o ketla o tlhola o go ntshetsa thata ya one; o tlaa nna mofaladi le mokgarakgatshegi mo lefatsheng.”
13
Kaine a raya Jehofa a re: “Petso ya me e feta mo nka go itshokelang.
14
Bona, gompieno o ntelekile mo lefatsheng, le sefatlhogo sa gago ke tlaa bo ke se fitlhegetse. Ke tlaa nna mofaladi le mokgarakgatshegi mo lefatsheng, mme go tlaa dirala gore mongwe fela yo o mponang a mpolaye.”
15
Jehofa a mo raya a re: “Ke gone le fa e le mongwe fela yo o tlaa bolayang Kaine, o tlaa busolosiwa gasupa.” Mme Jehofa a tlhomela Kaine sekao, e se re gongwe mongwe a mmona a mmolaya.
16
Kaine a tswa fa pele ga Jehofa, a aga mo lefatsheng la Note, go pota Etene ka fa botlhabatsatsi.
17
Kaine a itse mosadi wa gagwe, a nna moimana, a bona Enoke. A aga motse, a reelela motse leina la ga morwawe, a re ga Enoke.
18
Enoke a tshola Irate; Irate a tshola Mehujaele; Mehujaele a tsala Methušaele; Methušaele a tsala Lameke.
19
Lameke a tsaya basadi ba le babedi: leina la mongwe go twe, Ata, le leina la yo mongwe go twe, Sila.
20
Ata a bona Jabale; ene e ne e le rraabone ba ba nnang mo ditenteng, ba na le dikgomo.
21
Leina la ga monnawe go ne go twe Jubale, ene e ne e le rra botlhe ba ba letsang harepe le lotlhaka.
22
Sila, le ene a bona Tubalekaine, e le mothudi wa ditshipi tse di segang, tsa kgotlho le tsa tshipi. Kgaitsadia Tubalekaine e ne e le Naama.
23
Lameke a raya basadi ba gagwe a re: “Ata le Sila, utlwang lentswe la me: Lona basadi ba ga Lameke, lo reetse puo ya me, gonne ke bolaile monna ka a ne a ntlhabile, le lekau ka le ne le nkgolafaditse.
24
E ka re fa Kaine a tlaa busolosediwa gasupa, ruri Lameke ene o tlaa busolosediwa gamasome a supa le metso e supa.”
25
Atame a itse mosadi wa gagwe gape; mme a bona ngwana wa mosimane, a mo naya leina a re, Sethe. Mosadi a bua a re: “Modimo o ntaoletse losika lo longwe mo boemong jwa ga Abele; gonne Kaine o ne a mmolaile.”
26
Sethe le ene a bona ngwana wa mosimane; a mo raya leina, a re, Enoše. Mo lobakeng loo batho ba simolola go bitsa leina la ga Jehofa.
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 5 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50