bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Genesis 39
Genesis 39
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 38
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 40 →
1
Josefe a isiwa kwa Egepeto. Potifare mogolwane wa ga Faro le kgosana ya maotlana, wa Moegepeto a mo reka mo seatleng sa Baišemaele ba ba mo isitseng gone.
2
Jehofa a nna le Josefe, a ba a nna monna yo o tlhogonolofetseng, a nna mo ntlong ya mong wa gagwe wa Moegepeto.
3
Mong wa gagwe a bona fa Jehofa a na nae, le go re, Jehofa o tlhogonolofatsa dilo tsotlhe tse o di dirang.
4
Josefe a bona tsalano mo matlhong a gagwe, mme a mo direla; a mmaya molebalebi wa ntlo ya gagwe, le dilo tsotlhe tse o nang natso a di tsenya mo seatleng sa gagwe.
5
Ga dirala e sale ka lobaka lo o mmeileng molebalebi ka lone wa ntlo ya gagwe, le wa dilo tsotlhe tse a nang natso, Jehofa o na a segofatsa ntlo ya Moegepeto ka ntlha ya ga Josefe; mme tshegofatso ya ga Jehofa ya nna mo go tsotlhe tse a nang natso, mo ntlong le kwa nageng.
6
A lesa tsotlhe tse a nang natso mo seatleng sa ga Josefe; a sa itse sepe se a nang naso, fa e se dijo tse o di jang fela. Josefe a bo a le montle, a bopegile sentle.
7
Ga dirala ya re morago ga dilo tse, mogatsa mong wa gagwe a eletsa Josefe ka matlho; mme a re: “Robala le nna.”
8
Mme a gana, a raya mogatsa mong wa gagwe a re: “Bona, monngwake ga a itse sepe se se mo go nna mo ntlong, o tsentse tsotlhe tse a nang natso mo seatleng sa me;
9
mo ntlong e, ga go na ope yo o mogolo mo go nna, le gone ga a a baya sepe kwa ntle ga me, fa e se wena, ka gobo o le mosadi wa gagwe; kana foo bosula jo bogolo jo ke ka bo dira jang, ke leofela Modimo?”
10
Mme ya re a ntse a bua le Josefe ka malatsi go tlhomagana, a se ka a mo reetsa go rapama fa go ene le fa e le go nna nae.
11
Ga dirala ya re ka lobaka loo Josefe a tsena mo ntlong go dira tiro ya gagwe; mme go ne go se na ope wa banna ba ntlo gone mo teng.
12
Mosadi a mo phamola ka seaparo a re: “Robala le nna.” Josefe a tlogela seaparo sa gagwe mo seatleng sa mosadi a tshaba, a tswela kwa ntle.
13
Ga dirala ya re mosadi a bona fa a tlogetse seaparo sa gagwe mo seatleng sa gagwe, a bile a tshabetse kwa ntle,
14
a kua banna ba ntlo ya gagwe, a bua nabo, a re: “Bonang, o tsentse motho wa Mohebere mo go rona go re sotla; o ne a tsena kwa go nna gore a robale le nna, mme ka goa ka lentswe le legolo.
15
Ga dirala ya re a utlwa ke tsholetsa lentswe la me ke goa, a tlogela seaparo sa gagwe fa go nna a tshaba, a tswela kwa ntle.”
16
A baya seaparo sa gagwe fa go ene, ya ba ya tla mong wa gagwe a tla gae.
17
A bua nae ka mafoko a, a re: “Motlhanka wa Mohebere yo o mo tlisitseng mo go rona o ne a tsena kwa go nna go ntshotla.
18
Ga dirala e rile ke tsholetsa lentswe la me ke goa, a tlogela seaparo sa gagwe fa go nna a tshabela kwa ntle.”
19
Ga dirala ya re mong wa gagwe a utlwa mafoko a mosadi wa gagwe o a buang nae a re: “Motlhanka wa gago o ntirile jaana,” bogale jwa gagwe jwa tuka.
20
Mong wa ga Josefe a mo tsenya mo ntlong ya kgolegelo, felo kwa bagolegwa ba kgosi ba golegelwang gone; a nna gone mo ntlong ya kgolegelo.
21
Jehofa a nna le Josefe, a mo supetsa pelonomi, a mo naya tsalano mo matlhong a modisa wa ntlo ya kgolegelo.
22
Modisa wa ntlo ya kgolegelo a tsenya bagolegwa botlhe ba ba mo ntlong ya kgolegelo mo seatleng sa ga Josefe; sengwe le sengwe se se dirwang gone ya nna ene modiri wa sone.
23
Modisa wa ntlo ya kgolegelo ga a ka a tlhokomela sepe se se mo thateng ya ga Josefe ka gobo Jehofa a na nae; se o se dirang Jehofa a se tlhogonolofatsa fela.
← Chapter 38
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 40 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50